YUNIBESITHI YA BOKONE- BOPHIRIMA MOONO KA HIV LE AIDS JAAKA O TSHOTSWE KA : NGWANATSELE 2002
KETAPELE Kgang ka HIV le AIDS e tsentse tsebetsebe mo ditheong tsotlhe, le go akaretsa diyunibesithi. Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e ikema ka moono o wa HIV le AIDS, mme ka go o diragatsa, re tla fitlha moo re ka se tlholeng re tshela ka matshosetsi a HIV le AIDS. Re le yunibesithi, re ka se itlhokomolose segajaja sa AIDS. Baithuti ba rona ke ba bogolo jo bo tshabelelwang thata ke tshwaetso ya HIV. Re dirisana gape le badiri le badiredi, ka jalo re tshwanetse go tlhomamisa gore moono kgotsa pholesi ya rona, e akaretsa mefama yotlhe mo Yunibesithing. Ntlha ya ntlha mo UNW ke gore re batla go nna setheo se mo Aferika e e Borwa, le mo Aferila yotlhe, se tla itsiweng ka go tsaya kgato ya go ntshetsa tsatsing maiteko a rona tebang le HIV le AIDS. Ka moo, moono wa rona o ikaelela go tla ka ditogamaano tse, gareng ga tse dingwe, di tla itebaganynang le kgethololo ya balwetse; go rotloetsa gore batho ba ithaope go kgothatswa semowa (counseling) le go dirwa diteko; gape le go agelela dintlha tsa HIV le AIDS mo mananethutong le mo mananeong a go isa thuso kwa bathong. Ke rata go leboga segolo Setlhopha sa Badiredi se se rulagantseng moono o. Tiro ya botlhokwa ya gore jaanong o ka diragadiwa, e bulegile. Ke kopa jalo badiri le baithuti ba Yunibesithi go tshegetsa le go ema Komiti ya HIV/AIDS nokeng. DR M.N. TAKALO MOTLATSA-MOKANSELIRI 2
DITENG KETAPELE 1 1. MATSENO. 2 2. MAIPOLELO KA MOONO/PHOLESI. 2 3. MAIKAELELO LE MAIKEMISETSO. 4 4. MAIKARABELO A YUNIBESITHI 5 4.1 Bosephiri.. 5 4.2 Ditshwanelo tsa bathapiwa le baithuti. 5 4.3 Go lebalebisiwa le go tlhatlhobiwa.. 6 4.4 Tiro.. 6 4.5 Dikamogelo le go Ngokela tiro 7 4.6 Thuto 7 4.7 Tlhabololo ya Marutwa/Kharikhulamo 7 4.8 Tlhokomelesego 7 4.9 Tirisano ya Badiri le Baithuti 8 4.10 Bathapiwa ditirelo tsa Tshireletso,Boitekanelo,Phepafatso le Pabalelo. 8 4.11 Go tsenela dithuto. 8 4.12 Didiriswa/ditlamelo.. 9 4.13 Go bona bonno.. 9 4.14 Go sa tseweng sentle. 9 5. KOMITI YA HIV le AIDS. 9 5.1 Popego.. 10 5.2 Dithata.. 10 5.3 Dipitso.. 10 5.4 Go ntsha dipegelo. 10 5.5 Maikaelelo 10 5.6 Boikarabelo jwa Komiti 11 5.7 Maemo le go thapiwa ga Mokaedi wa HIV le AIDS 12 6. TSHEKATSHEKO-SEŠWA YA MOONO/PHOLESI.. 12 3
YUNIBESITHI YA BOKONE-BOPHIRIMA MOONO/PHOLESI KA HIV LE AIDS 1. MATSENO Yunibesithi e lemoga bomasisi jwa HIV le AIDS, mme e tsaya tsiya botlhoko jo bolwetse jo, bo ka amang Yunibesithi le baagi ka kakaretso ka teng, ka jalo e ineela go samagana le bothata jo. 2. MAIPOLELO KA MOONO O Yunibesithi e ineela ka bojotlhe go itebaganya le HIV le AIDS ka molebô o o phuthologileng, wa kutlwelano-botlhoko le o o sa kgethololeng, le ka go neelana ka ditshiamelo le boeteloedipele jo bo maleba jwa go tsenya mo tirisong, mananeo a a fatlhosang ka HIV le AIDS mo yunibesithing le go anamela kwa baaging botlhe. HIV jaaka e agilwe ka ditlhaka tse di emetseng Human Immunodeficiency Virus, ke mongwe wa megare e e senyang itshireletso ya mmele. Batho ba ba nang le mogare wa HIV ba simolola go tloga go ba ba se nang le fa e le ditshupo dipe tsa twatsi, go ya go ba ba nang le tshupo ya go-isa-losong kgotsa seemo se se koafetseng. AIDS jaaka e agilwe ka mafoko Acquired Immune Dificiency Syndrom, e totile mefuta ya malwetse a a tsalegileng ka ntlha ya mogare wa HIV. Motho yo o swaeditsweng, o bidiwa motho wa bolwetse jwa HIV, kgotsa motho wa AIDs (PWA: Person with AIDS). HIV e tsena motho fa selekanyo se se rileng sa seedi sa mmele wa motho wa mogare o, se tsena mo mading a motho yo o se nang mogare wa HIV. Ditsela-kgolo tse HIV e tshelanwang ka tsona ke : Thobalano e diragala go sa itshireletswa e bile serwe sa bonna se sometswe ka mo teng, mme metsinyana a mmele a neelana 4
Ka go dirisa kgotsa go amogana mamao le fa e le magare a akopaneng le HIV, e le ka phoso kgotsa ka bomo (mo lefelong la kalafelo jaaka ditleliniki, dipetlele le botlhatlhobelo jwa dingaka; kgotsa e se mo go lona lefelo leo); Mmê yo o nang le tshwaetso,a tshela bana ba a ba imileng Mmê yo o nang le tshwaetso, a e tshela lesea fa a le anyisa; le Ka go tsenngwa madi a a setseng a na le mogare; kgotsa dilo tse di dirwang ka ona madi a motho. Yunibesithi e amogela gore tshwaetso ya HIV le AIDS, di ka diragala mo lefelo-thutong /khamphaseng efe kgotsa efe. Setheo se sengwe le se sengwe sa thuto e e kwa godimo, se sikere maikarabelo a gore badiredi le baithuti ba sona, ba dire mo ba ka kgonang go thibela go anama ga bolwetse, le go fokotsa ditlamorago tse di masisi mo go ba go tlhomamisitsweng fa ba tshwaeditswe. Ka ga jalo, moono o, o tlama UNW gore e tlhofofatse bokete jwa bolwetse jo, mo bathong ba Yunibesithi le baikaegi ka bona; gammogo le mo bathong botlhe ka kakaretso, ka go dirisa ditirelo tsa yona tsa thuso-setšhaba. Go a tlhokega gore moono o, o buisiwe o bapisiwa le Molaomogolo wa Yunibesithi; Pholesi ya Dikamogelo mo Yunibesithi; Pholesi ya Tiriso ya Badiri; Pholesi ya Kabelo-bonno, le dipholesi tse dingwe tse di maleba. O tshwanetse gape wa buisiwa go tsewa tsiya segolo Molaotheo wa Repaboleki ya Aferika Borwa, le Melao e mengwe e megolo e e akaretsang : Molao wa Peelomabaka a go Thapiwa, Molao 75 wa 1997, Molao wa Tekatekantsho fa go Thapiwa, Molao 55 wa 1998; Molao wa Thutogodimo, Molao 101 wa 1997; Molao wa Bogokaganyi mo Ditirong, Molao 66 wa 1995; Molao wa Boitekanelo le Ipabalelo Ditirong, Molao 85 wa 1993; Molao wa Thotloetso ya Tekatekanyo le Thibelo ya Kgethololo e e Gobelelang, Molao 4 wa 2000. Fa go tseelwa gore Yunibesithi tota e ka nna eng ntleng ga batho ba ba gaufi nayo, bona ba e bonang badiredi le baithuti ka bona, go tlhokega gore go tsewe tsiya ditiro le maiteko a baagi/batho tebang le HIV le 5
AIDS. Tirisanommogo le Puso, le ditheo kgotsa mekgatlho e e seng ya Puso e e reboletsweng tiro ya go thibela, go alafa le go tlhokomela HIV le AIDS, e a tlhokega go tlhomamisa gore moono wa Yunibesithi o nyalelane le melawana-theo ya semmuso e bile o diragatswe ka manontlhotlho. Moono o, o tla phasalatswa ka bophara, mme dikhopi tsa ona di tla bonwa kwa Lefapheng la Tlhagiso ya Badiri (Human Resource Department); Setheo sa Kalafo ya Baithuti, Kantoro ya Dikamogelo, Kantoro ya Diporojeke tsa HIV le Aids, Batlhokomedi ba Matloborobalo le Dikantoro tsa Magôrô. Borulaganyi jwa moono (pholesi) o, ke maikarabelo a kantoro ya Motlatsa-Mokanseliri. 3. MAIKAELELO LE MAIKEMISETSO KA MOONO O Go thusa Yunibesithi go arabela dintlha le dipotso tse e gwetlhiwang ka tsona tebang le tshwaetso ya HIV le AIDS. Maikemisetso a magolo ke go: Sireletsa ditshwanelo tsa motho tsa go bipelwa dikhupamarama, le tokologo ya go se kgethololwe. Tshegetsa lenane le le sa sweng la thuto, leo le tla tlhagisetsang batho ba Yunibesithi gammogo le baagi ba ba ka kwa ntle, kgothatso ya semowa (counselling) le tshedimosetso ya sešweng le e e nepagetseng, ka go dirisa Ditirelo tsa Yunibesithi tsa Tirelo- Setšhaba. Rotloetsa maitsholo a a tla fokotsang kotsi le matshosetsi a go tsenwa ke mogare wa HIV, le go dira gore tikologo e nne e e babalesegileng. Tlhagisa boeteledipele jo bo nonofileng mo mefameng ya go ruta, go batlisisa le bodiredi-setšhaba mabapi le HIV le AIDS le ditlamorago tsa fa e tsene mongwe. 6
Tlhagisa boeteledipele jo bo nonofetseng go rotloetsa gore HIV le AIDS di lejwe ka molêbô o o ikaegileng ka ditshwanelo tsa botho. 4. MAIKARABELO A YUNIBESITHI Fa go tsewa tsiya mokgwa wa bolwetse jo, le ditlamorago tsa bona tse di masisi mo baaging, Yunibesithi e bona go tlhokega go sedifatsa maemo a yona ka ga dintlha tsa botlhokwa tse di latelang tebang le tshwaetso ya HIV le AIDS. 4.1 Bosephiri Ka ntlha ya bokete ba Leroborobo la HIV le AIDS le kgonagalo ya kgethololo e e lebisitsweng bao ba nang kgotsa go gopolwang gore ba na le mogare wa HIV, tshegetso ya ditshwanelo tsa motho tsa go bipelwa dikhuparama, ke ntlha ya botlhokwa thata. Ka jalo, go ya ka fa molao o letlang ka teng, Yunibesithi e tla tlotla ditshwanelo tsa badiri le baithuti ba yona ka go tshola seemo sa bona sa HIV e le sephiri. Badiri botlhe ba Yunibesithi ba ba nang le tshiamelo ya go bona tshedimosetso mabapi le seemo sa HIV sa badiri kgotsa le baithuti, ba tla gakololwa ka dinako tsotlhe ka ga tlhokego ya go bipa sephiri ka tshedimosetso e. Ga go tshedimosetso epe ya kalafi e e tla ntshetswang mo pepeneneng kwa ntle ga tetla e e kwadilweng ya motho yo o amegang.go tlola taolo e,go tla baka gore go tsewe dikgatokgalemo tse di maleba. Dipalopalo tsotlhe ka batho ba HIV le AIDS di tla tsholwa e le sephiri ke dingaka, baoki le komiti ya HIV le AIDS ya Yunibesithi, kwa ntle ga fa go tlhokega go ya ka molao go di senola. 4.2 Ditshwanelo tsa bathapiwa le baithuti Badiri le baithuti ba tshwanetse go tlotla ditshwanelo tsa batho ba bangwe ka dinako tsotlhe. 7
4.3 Go lebalebisiwa le go tlhatlhobiwa 4.4 Tiro Bao ba ikaelelang go direla kgotsa go nna baithuti ba Yunibesithi, ga ba ne ba ganelwa go thapiwa kgotsa go tsenela dithuto tsa Yunibesithi ka ntlha ya fa ba na le mogare wa HIV. Ka jalo, Yunibesithi ga e ne e simolola mekgwa ya tebalebiso ya pateletso go tlhola megare ya HIV (e ka nna pele ga go thapiwa kana go nna moithuti, kgotsa le fa o setse o le modiredi kgotsa moithuti wa Yunibesithi). Yunibesithi e tla tlhoma setheo sa go tlhatlhobela, mme e netefatsa gore motho a nne le tshedimosetso a bo a inele ka nosi go tlhatlhobiwa, mme go, go dirwa segongwe le dikgothatsosemowa tse di maleba tsa sephiri, gape e rotloetsa bathapiwa mmogo le baithuti go itse seemo sa bona sa HIV gore ba tle ba kgone go itseela dikgato tse di maleba tsa boitekanelo. Ga go konteraka epe ya tiro e e tla fedisiwang ka ntlha ya fa Fela motho a na le mogare wa HIV kgotsa AIDS. Badiri ba ba amegang, ba rotloediwa go itsise Yunibesithi fa seo se ama bokgoni ba bona go diragatsa ditiro tsa bona. Fa fela modiredi a kgona go dira tiro e e riling mo go tlhokegang, Yunibesithi e tla dira ka gotlhe go tshola modiredi yoo.go mo tshola gareng ga tse dingwe,go kaya dinako tse di obegang tsa tiro, manaane a thefosano mo tirong, khunologo, thulaganyo-sešwa kgotsa kabelo-sešwa ya ditiro. Fa motho a sa tlhole a kgona go dira, kgotsa e bile go se na tiro e nngwe gape e e maleba morago ga fa Yunibesithi e lekile go mmatlela tiro yona eo, go tla diragadiwa melao e e maleba ya go rola tiro kgotsa go dirisiwa Melao e mengwe ya Bogokaganyi ba Badiri. Badiri ba ba nang le HIV le AIDS ba tla tsholwa go se kgethololo epe fela jaaka badiri ba bangwe ba malwetse a a tseneletseng, mme gape ba tla laolwa go ya ka ditsamaiso tse di leng teng e bile di dumalanetswe tsa khunologo ya bolwetse le melawana ya go thapiwa. 8
4.5 Kamogelo le go ngokela tirong Yunibesithi ga e ne e tlhoka go dira diteko tsa go tlhola dilwantsha megare ya HIV mo badiradikopong tsa go nna baithuti kgotsa badiri ba Yunibesithi. Badiri le baithuti ba ba nang le HIV, ga ba ne ba tsewa ka tsela e sele go farologana le ba bangwe ba ba nang le malwetse a a masisi. 4.6 Thuto Go rotloetsa kitso ka bophara, Yunibesithi e tla netefatsa gore manaane a go fatlhosa ka ga HIV le AIDS a akarediwa mo manaaneng a thupiso ya bosetlabošeng,a dithuto le a katiso ya baithuti le badiri. Baithuti le badiri ba tla neelwa tshedimosetso, thuto le katiso kwa ntle ga tuediso epe. Yunibesithi, ka tumalano le mekgatlho e e amegang,jaaka Lekgotla-Kemedi la Baithuti, Mokgatlho wa Badiri kgotsa mokgatlho ofe kapa ofe o o dirang mo mafelothutong/dikhamphaseng tsa yona, e tla netefatsa gore mekgatlho eo,e akaretsa HIV le AIDS mo manaaneng a thuto le katiso. 4.7 Tlhabololo ya marutwa (Kharikhulamo) Go tla engwa nokeng kgotsa go tsweledisa le fa e le gona go simolola manaane- tshedimosetso a badiri ba seakademi (batlhatlheledi) go netefatsa gore ba nna le tshedimosetso ya sešweng mabapi le leroborobo la HIV le AIDS mo dirutweng tsa bona ka maikaelelo a go di tlhabolola,go dira dipatlisiso le thutego ya baithuti ka ga tsona. 4.8 Tlhokomelesego Baithuti le badiri bao ba tsenweng ke mogare ba tla amogela thuso e e matshwanedi go tswa go Yunibesithi, go akarediwa le go bona kgakololo ya kalafi mo mabakeng a tshoganyetso. Gore se se tle se fitlhelelwe, go tla tshwanela gore go nne le tirisanommogo le mekgatlho e e maleba ya Puso. 9
Bathapiwa ba e leng badiredi ba boitekanelo ba tla rebolelwa maemo a a kgethegileng mabapi le HIV le AIDS mme go tla dirwa kaelo mabapi le melao e e kgethegileng mo ntlheng e. 4.9 Tirisano ya badiri ke baithuti Yunibesithi e tla dira gore tikologo e nne e e babalesegileng moo baithuti le badiri ba tla dirisanang kwa ntle ga go tshoga kgonagalo ya go fetelelwa kgotsa go tshelwa HIV ka ntlha ya petelelo,tlhokofaso ka thobalano, tirisodikgoka kgotsa tlhaelo ya ditlamelo tse di maleba tsa boitekanelo le pabalesego.fela jalo, didiriswa tse di mo Yunibesithi di tla bulelwa baithuti le badiri botlhe go sa kgathalesege seemo sa bona sa HIV. Se se raya go etelwa ke baithuti le badiri kwa ntle ga go iletswa go dira jalo. Seemo sa motho sa HIV ga se ne se tsewa jaaka mabaka a a amogelesegang a go gana go dirisana le motho yoo. 4.10 Bathapiwa ba ditirelo tsa Tshireletso, Boitekanelo, Phepafatso le tsa Pabalelo. Bathapiwa botlhe ba tshwanetse go katisiwa le go dira go ya ka Melao ya Boitekanelo le Tshireletsego mo Tirong ga mmogo le maemo a go thibela ditwatsi tse di tlang di le mo mading. Bathapiwa botlhe ba Yunibesithi ba ba rweleng maikarabelo a go phepafatsa kgotsa go siamisa ditlamelwana tsa Yunibesithi ba tla tshwanelwa ke go apara diaparo tse di maleba tsa tshireletsego. (sekai, ditlelafo tsa polasetiki). 4.11 Go tsenela dithuto Baithuti le badiri/batlhatlheledi ga ba kitla ba ilediwa go tla dikamusong ka ntlha fela ya go nna le HIV. Baithuti le badiri/batlhatlheledi ba solofetswe go tswelela ka ditiro tsa bona tsa ka gale go fitlha ba retelelwa ke boitekanelo jwa mmele go dira jalo. 10
4.12 Didiriswa/Ditlamelo Ga go moithuti kgotsa modiredi ope yo o tla iletswang didiriwsa/ditlamelo dipe ka ntlha fela ya go nna le HIV. 4.13 Go bona bonno Ga go modiredi ope yo o tla ganelwang ka bonno ka ntlha fela ya go nna le HIV. Fa pholo ya moithuti kgotsa modiri e fokola kgotsa e ya tlase,go ka atlanegisiwa gore a romelwe kwa ditlamelong tsa kwa ntle jaaka ntlo ya balwetse-batlhoka-kalafi (hospice) kgotsa legae la tlhokomelo. 4.14 Go sa tseweng sentle Molao, dikgato le dipholesi tse di maleba ka ga baithuti le badiri, di tla dirisiwa fa go reediwa dingongorego tsa bona kgatlhanong le kgethololo le go sa tseweng sentle ga bona ka ntlha ya go nna le HIV le AIDS. Dingongorego tse di amanang le go nna HIV le AIDS ga mongwe, di lebisiwa kwa komiting ya HIV le AIDS. 5. KOMITI YA HIV le AIDS Yunibesithi e itlama go tlhoma komiti ya HIV le AIDS ya ditokololo tse di nonofileng mo dikhampaseng tsa yona go tlhokomela mathata a a malebana le HIV le AIDS. Go tsenngwa tirisong ga moono/pholesi e ya Yunibesithi ka ga HIV le AIDS, ke boikarabelo jwa Komiti ya HIV le AIDS. Yona e tla tlhomiwa jaana: 5.1 Popego ya yona Komiti e tla nna le ba ba latelang: o Mmitsapitso o Moemedi go tswa Lefapheng lengwe le lengwe la Tlhagiso ya Badiri,Lefelo la Boitekanelo,Lefelo la Tshupetsotsela 11
Kgothatso-semowa (Guidance and Counselling), Lekgotla- Kemedi la Baithuti, Mokgatlho wa Bodiri jwa Thapo e e sa gobeleleng (Employment Equity Personnel),gape le modiri; le moithuti go tswa kwa khamphaseng ya Mankwe. 5.2 Dithata Komiti eno e tla nna le dithata tsa go itlhophela mongwe fa go tlhokega. Ba ba itlhophelwang ba ka tsewa mo go tse di latelang: o Motsamaisi wa Merero ya Baithuti o Bogokaganyi o Tikwatikwe ya Tlhabololo ya Seakatemi o Magôrô otlhe Komiti e na le thata ya go tlhoma komitipotlana go e thusa go dira ga maikarabelo a yone. Komiti ya go nna jalo e tla tlhomiwa kwa khamphaseng ya Mankwe. 5.3 Dipitso Komiti e tla kopana bonnye gangwe mo kgwedingtharong/kotareng. Modulasetilo a ka epa pitso e e kgethegileng fa go tlhokega. 5.4 Go ntsha dipegelo Komiti e tla isa dipegelo tsa yona kwa go Motlatsa-mokanseliri kotara e nngwe le e nngwe. Pegelo e tla nna e e kwadilweng, mme e akaretsa mefama yotlhe ya ditiro tsa kotara. 5.5 Maikaelelo Maikaelelo a Komiti ke go tlhokomela go tsenngwa tirisong ga moono/pholesi e; go nna le seabe mo ditirong tsa dikhamphase tsa UNW le go tsaya dikgato tsa gore baithuti le badiri ba Yunibesithi ba tlamelwa ka thuto, kgotsatso- 12
semowa(counselling) le kemonokeng mabapi le HIV le AIDS le dingwe fela tse di maleba go: a) Itsise ka ga HIV le AIDS jaaka e ka nna mathata mo Bathong ka bosi le Yunibesithi jaaka e le setheo. b) Rotloetsa ditsibegelo le kemonokeng tse di matshwanedi go bao ba nang le HIV le ba ba sotlegang ka ntlha ya seno. c) Rotloetsa maitsholo a a matshwanedi gore go fokotswe kgonego ya go tshwaetsega. 5.6 Maikarabelo a Komiti Go fitlhelela maikaelelo a, Komiti ka tirisanommogo le maphata a a tshwanang le Lekgotla-Kemedi la Baithuti, Laeborari ya Yunibesithi,Lefelo la Tlhabololo ya Seakatemi, Mafapha a Seakatemi, Tsa Badiri, Mokgatlho wa Badiri, Tshupetso-tsela le Kgothaso-semowa,le Lefelo la Boitekanelo gammogo le bangwe ba ba maleba mo baaging, e ka: a) Batlisisa kitso le dikakanyo tsa badiro le baithuti mabapi le HIV le AIDS,mekgwa ya bona ya thobalano le dingwe tse di maleba,ka go kgobokanya dipalopalo tsa HIV le AIDS le go dira ditlhotlhomiso, j.j. b) Tshola le go boloka tshedimosetso yotlhe ka ga patlisiso e e maleba le HIV le AIDS le ditiro dingwe tse di dirwang ke mafapha le maphata a Yunibesithi: c) Gokaganya ditirelo tsa kemonokeng/thuso ya baithuti le badiri ba ba amiwang ke HIV le AIDS ka tsela nngwe. d) Go lebisa Yunibesithi ntlha ya gore go akarediwe dintlha tse di amanang le HIV le AIDS mo dirutweng tse di maleba tsa kharikhulamo e e rileng. 13
e) Go nna mogakolodi wa Yunibesithi le go fetisetsa mathata kwa bathong botlhe ka bophara. f) Golagana le Puso, ditheo tse e seng tsa puso, le ditheo tsa dithuto tse dikgolwane. 5.7 Maemo le go thapiwa ga Mokaedi wa HIV le AIDS Go botlhokwatlhokwa go thapa leruri motho wa dinonofo tse di maleba gore ntwa kgatlhanong le HIV mo Yunibesithing e,e fenngwe. Go raya gore maemo a,a tshwanetse go nna le modiri ka dinako tsotlhe. Modiri yo, o tla nna le maikarabelo a go golaganya ditiro tsotlhe tsa Komiti le Dikomiti-potlana tsa HIV le AIDS. 6. Tshekatsheko-sešwa ya Moono (Pholesi) Komiti ya HIV le AIDS e tla lebisisa pholesi e sešwa ngwaga le ngwaga mme dimametlelelo di tla tsamaisiwa mo mefameng yotlhe e e maleba. TLHALOSO YA MAREO HIV H - Human I - Immunodeficiency V Virus Go raya mogare o o lwantshang itshireletso ya mmele AIDS A acquired I Immune D Deficiency S Syndrome Tlhaelo-itshireletso ya mmele e e bakang go tshabelelwa ke malwetse PWA Person with AIDS 14
Ke motho yo o nang le AIDS Confidentiality (Bosephiri) Rape (petelelo) Entrusted with secrets Go sikarisiwa maikarabelo a go bipa dikhupamarama Act of forcing a woman to have sexual Intercourse against her will go robala le mosadi ka go mo pateletsa. Sexual Abuse Involvement in sexual activities without any informed consent to the act tlhokofatso ka thobalano) : Go nna le seabe mo tirong ya go robala (le)motho ntleng ga thebolelo e e supang kitso ka tiro eo. Violence Unlawful use of force Bolwang/tiriso-dikgoka : Go dirisa dikgoka go go seng ka fa Molaong. METSWEDI Employment Equity Act No 55 of 1998 Higher Education Act No 101 of 1997 Labour Relations Act No 66 of 1995 Occupational Health and Safety Act No 85 of 1993 Promotion of Equality and Prevention of Unfair Dismissal Act No 4 of Basic Conditions of Employment Act No 75 of 1997 2000 Translation by UNW Setswana Department 15